
PODCAST: BATSEREGANYI BA BARARO BA TSHWAEDITSWE KE COVID-19
Loading player...
BATSAMAISA metshameko ba PSL bale bararo ba tshwaeditse ke mogare was Covid-19 gotswa go ba le some a mararo e bosupa (37) bao a tsereng diteko ko Gauteng mo bekeng a fetileng. Ngaka ya Safa Thulani Ngwenya are bao ba tshwaeditsweng ntse ba sena bosupi bope ba gore bana le mogare o. Fela Ngwenya are ba siametse go ka tseya mabala go tswelletsa pele setlha sa kgwele ya dinao mo bekeng etlang ga Phatwe a tlhola malatsi ale robedi (8 August), ba simolola ka dikamakgaola kgang tsa Nedbank Cup. Ba tsereganyi ba tsa metshameko ba gaeletswe ko Gauteng kogo ba ipaakanyetsang tsweletso ya metshameko ego e tlileng go akaretsa GladAfrica Championship. Ngwenya are bago ba tshwaeditsweng ba tlhopollotswe go ba bangwe malatsi ale lesome (10) go fitlhella malatsi ago ga ba tla tseya diteko gape.